Mmegi

Ga go wele sentle

- Sebofo motshwane

Etlaa re go bulela kgang ya gompieno tsela re boelele puo ya Motswana fa a re, ‘Fifing go gangwa e lelang‘. Re re, fa e sa lele, mosimane o ka itse jang gore, Tsalefatsh­e, morwa Diabapalwa, ga e ise e gangwe, kana, o tlhotse e sa amusa? Go itse tseo, ke gore e lele, e ikuele. Go utlwa e lela ke gone mosimane a tswe, a fete a e neele namane e anywe. Kgotsa, a tseye (e seng a tsee) kgamelo le mokao, o bangwe ba reng ke katlole, a game mme ke gone go lela mole go eme.

Fa Motswana a tlhalosa puo ele a re go raya gore fa motho a le mo bothateng, kana, jaaka segwagwa, a le mo lorageng, o tshwanetse go itela, go ikuela mo go ba bangwe go mo thusa. Mme a itela, a ikuela jang? A dire jalo ka go tlhalosa gore bothata jo a leng mo go jone ke bofe, le gore o batla go thusiwa jang. Bangwe ba kgone ba thuse, ba bangwe go retele, ke gore, go pale mme gone ba utlwile botsogo jwa ngwana yo mongwe.

Go nne monate, e ledile fifing. E re fa motho a ka didimala fela mme a palelwa ke go inoga mo lorageng lo a mo go lone, go twe o sule senku. Foo, go se ke go nne monate. Ba re e letse e sa gangwa ka e rile e le fifing ya se ka ya lela, Le fa go ntse jalo, motlha mongwe e lele mme ka mabaka mangwe e se ke e gangwe. Go ya ka polelo nngwe ke ele, go bonala fa kwa Pilikwe le Mhalapitsa, metse mengwe ya kgaolo ya Legare, seemo se ntse jalo. Polelo e kaya gore e ne ya re jale ka kgwedi ya Hirikgong, ba metse e, ba itela mo go mopalament­e Dr Kesitegile Gobotswang ka go tlhoka go bewa ditsha. Ba lela ka lephata la kabo ditsha la Sefhare ba re le bonya go ba baya mme ga ba itse gore bonya joo, bo dirwa ke eng. Go ya ka polelo ele, ya re go iteela kobo moroko, ke gore go tlatsa se morafe o neng o se bua, Kgosi Gasebalwe Seretse, wa Pilikwe a supa fa e le ngwaga wa botlhano metse ya bone e ntse e sa bewe ditsha. Go utlwala fa a ne a fetela pele a re fa ba latedisa kgang eo, ba bolelelwa fa go bewa ga ditsha go diilwe ke mealo ya lefatshe. Go kaiwa fa Kgosi a ne a nna a fetela pele a supa fa tiego e, e diya metse ya bone go gola, e tswela pele, e tshwana le metse a mengwe jaaka Tlokweng, Godimo ga tseo, Kgosi a supa fa go nyafala mo go diya banana go dirisa lenaneo la YDF go simolola dikgwebo go itshetsa. Re dumalane re re, ka go buiwa ka ditsha tsa magae, bonno, masimo, le dikgwebo, a lephata la kabo ditsha le akofe le beye batho. Motswana a re “Moleta ngwedi o leta lefifi.” Re lele le ba ga rona re re, a lephata le itlhaganel­e le ba fe ditsha, ditiro di tle di tswelele. A batho ba se lete ba sa itse gore ba tlaa leta go ema fa kae. Re re, dingwaga tse tlhano tse di bolelwang tsele, go eme, go sa bewe, di dintsi thata. Mme gape, re utlwa fa go diega go baya ditsha, go dirwa ke tiego ya mealo ya lefatshe. Go ntse jalo, re re, a morafe o se fele pelo, go letwe ka pelotelele. Gongwe mealo eo, e tlaa tla ka dingwe tse di botoka go feta tse di leng teng gampieno. Ga twe, “Lepotlapot­la le ja phokwana bodikologe bo ja pholo e tona.” E re a tlhalosa Motswana a re, a e se re tiro e dirwa ya potlakelwa, ke gore, ya dirwa ka lebelo dilo tsa tloga tsa tlhakatlha­kana. A re, a tiro e iketlelwe,, e tle e wele sentle. Re re, gongwe se, ke se se dirwang ka tiro ele ya mealo. A re solofele gore tiro eo, e tlaa wela mme tsela e bulege, ditsha di bewe sentle. Go nne monate go ntse jalo. Ga nna ga tla. Ga twe Kgosi Gasebalwe a kaya fa tsela ya Pilikwe le Radisele e sa siama. Gore Kgosi Seretse o ne a bua jang ka tsela e, ga re itse, ga go tlhalosiwe. Fela re dumela gore ka mokgwa mongwe, tsela eo, ga e a siama, mme Kgosi o batla gore e dirwe e nne tsela sentle mesepele mo go yone e nne bonolo. Godimo ga tsela eo, re utlwa gore Kgosi gape a bua ka dikago tsa ofisi ya sepodisi le tsa sekolo se segolwane, a kaya fa di onetse.

Re ne ra nna ra okomela Dikgang (Daily News) Hirikgong 27 2020 mme ra fitlhela polelo ele ka Pilikwe Le Mhalapitsa foo. Fa e bua ka fa e reng Kgosi Gasebalwe o ne a bua ka teng ka gore go agiwe sekole se segolo mo kgaolong ya bone, polelo ya re; “….. o buile gape le gore gongwe nako e tsile ya go agelwe sekole se segolo…..”

Re fetele pele re re, leba temana e e fa godimo e, mme re utlwe gore, a o bona e wela sentle. Re re rona ga re bone e wela sentle. E le eng? E le ka gore lefoko lengwe mo go yone le latlhegile. Ke lefoko lefe leo? Re re ke lefoko “ba.” Re tswelele re re, gore go wele, kana, go utlwale sentle, go ka dirisiwa lefoko “agelwa”, kgotsa “ba.” Fa re dira jalo temana e tlaa balega e re, “………go agelwa sekole ….” Kgotsa e re,”….. gore ba agelwe sekole….” Mme go tlhamalale .

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana