Mmegi

A e se re tia

- Sebofo motshwane

Fa seolo se a tle se nye, se tswe mabowa, ga go re e re o se bona o fete fela. Ga re o eme, o okomele, o bone gore o ka sela eng mo go sone. O okomele mme o a fitlhele. O tseye o fetelele pele. Fa o goroga kwa gae o a tshotse, Setswana se re o tswa go itaya, o tla o iteile, mabowa. Se sa reye go itaya ka thupa, se raya gore o tla o a bapetse, o tswa go a bapala. O nne fatshe le ba bangwe le fore mala, kana, le tlhatswe legano.

Re ne ra feta ka sone seolo sa rona, ra se okomela, mme le re neng ra le itaya lebowa, ya nna polelo ke ele, e bolela fa e ne ya re ka Hirikgong monongwaga, mopalament­e wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, a tshwara phuthego ya kgotla le banni ba kgotla ya Madiba. Go bonala mopalament­e Tshere a tshwenyegi­le thata ka seemo sa borukutlhi mo Mahalapye mme a ne a tshwara phuthego go lekodisany­a le banni ba, morafe wa kgotla ya Madiba, ka seemo se.

Fa re ntse re tsentse polelo ele matlho le megopolo re bona gore, lefoko la ntlha la ga mopalament­e, e ne ya nna go kopa morafe wa Madiba go kopanela go lwantsha borukutlhi. E tshwaragan­etswe tiro, e nna motlhofo fela jaaka Motswana a lemogile gore, ‘Phokoje wa ntsa pedi ga a thata.’

A fetela pele mopalament­e a supa fa Mahalapye a tletse bogodu mme go itsewe fa se, se busetsa motse kwa morago. Gape a re, go itsewe fa bogodu bo sa eme Mahalapye sentle, ke gore, bo sa siama ka banni ba Mahalapye ga ba kgone go tsalana le bagwebi ba dikgaolo tse dingwe.

Re re, go ntse jalo. Ga e re o le morui, o bona naga e tletse dibatana o thibelele mo go yone ka o ka tloga wa felelwa ke loruo lo jelwe ke phiri, phokoje, le tse dingwe dibatana. Ga re fa naga e ntse jalo o e katoge, o batle lefelo lengwe le le botoka o thibelele foo. Go lwela go hema seemo, re utlwa gore mopalament­e o ne a re morafe o itshekatsh­eke, o ikage sesha, ke gore, o latlhe mekgwa e e maswe ya borukutlhi. Gone fa, Setswana se re motho o a bo a itlobola e se noga. Go nne monate fa go ka nna jalo, tse di maswe tsa tlogelwa, ga lekelwa pele ka tse di molemo, tse dintle. Ga twe, go gatelela se, mopalament­e, Rre Tshere, a tlhalosa fa molao o diretswe go atlhola, e seng go aga motho. A supa fa motho a tshwanetse go ikaga, a itse molemo le bosula, fela jaaka Setswana se re, ‘Moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla.’ Ka ntlha e nngwe Motswana a re, ‘Poo e tlhaba ga e bewe, e a ipaya.’

Go sale foo re utlwa gore mopalament­e a se ka a leba morafe fela le ene a iteba; a re a gakololwe ka tse di tshwanetse­ng go dirwa. A bo a setse a boletse Motswana a re, ‘Noka e tlala ka melatswana.’

Gape a re, ‘Poo e thata ke melala.’ O le mogolo, ga go a tshwanelwa go lejwa fela gore o mogolo, o ka dira o le nosi mme wa kgona. Gore o kgone, ke gore ba ba kwa tlase ga gago, le bone ba eme ka dinao ba go thuse, kana, jaaka go twe mopalament­e o ne a kopa, ba go gakolole. Go ntse jalo, tiro e tswelele, go bonale gore go iwa pele.

Fa go ntse go tsweletse mopalament­e jaanong a feta ka lenaneo la CEDA a bona fa mo Mahalapye go sa tlhagafale­lwa go le dirisa.

G at weo near em on ak on geno, CE DA,e thusitse dikgwebo tsa Mahalpye Bophirima ka mad ia kat sh war aP 83 million. Gob on ala fa mo pal amen tea bona mad ia, ale mann ye, aka seka a is a Ma hal apyeg ope. Godimo ga moo, a re lenaneo la banana (YDF) ga le na kgwebo epe ya Bojanala mo Mahalapye. A kgothatsa banana go leba ka ntlha eo.

Leg om pie norene r anna raoko mel a

Dikgang (Daily News) Hirikgong 22 2020

mme ra fitlhela polelo ele ya phuthego ya ga mopalament­e moo. Fae bu aka fa er eng Mokhansela­ra Rre Kamogelo Kgosietsil­e o ne a bua ka teng, a kgothatsa morafe go dira ka natla go lekela go tlhabolola motse, polelo ya re;

‘……. oko pile ….. got ia moko le gonna le tsholofelo go isa motse kwa pele……’

Re nne re re, ka ga a bonele gongwe, a fa godimo fa,o bona ph os onnng we? Faoe bona, keefe, keen gelep ho so, mm eek ab aakangwa jang?R ere, gare its egoreot la a arab a or eng mme rona re bona phoso e le lefoko ‘tia’ ka ga go a kwalwa sentle.

Gongwe o botse gore ke eng re re lefoko le, ga le a kwalwa sentle. Karabo e re, jaaka re tle re nne re supe ka mafoko a mangwe, lefoko le, le kwadilwe jaaka bangwe ba le bitsa fa ba bua. Tlhaka enngwey alone el eng‘y’ e latlhegile. Go tlhalosa se, a re re, Kgabala le Kgagana ba agelela lesaka mme Kgagana o dira a iketlile.

Go bona se, Kgabala o mo raya a re, ‘Tsolopana rra, tiya moko, letsatsi le tsamaile.’ A bua jaana, Kgabala o biditse lefoko sentle a re tiya mme le tshwanetse go kwalwa jalo. Go sale foo fat iroent see tsweletse, Kg ab alaok are, ‘Dira o tiile moko,’ mme fa a bo a buile sentle. Jaanong,a pole loe sere ,‘….. tia moko.....’ Ae re, ‘….tiya moko….’

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana