Mmegi

Ga se go kgwa mathe

- Sebofo motshwane

EDikgang (Daily News) Ngwanatsel­e 3 2020 mme moo ra sela polelo e e reng baithuti ba pele ba Mowana Junior Secondary School kwa Mahalapye, ba ngwaga wa 2000 ba abetse sekole seo motshine o o ntsifatsan­g dipampiri wa madi a a fetang P22000. Go kaiwa fa kwa tirong eo, gare ga ba bangwe, go ne go le mopalament­e wa Mahalapye Botlhaba Rre Yandani Boko le Kgosi Alexander Modise wa Mowana mme ba, ba nna le a bone go a latlhela.

Fa e bua ka e reng mopalament­e wa Mahalapye Botlhaba Rre Boko o ne a rotloetsa morafe ka teng gore o kgale kgokgontsh­o ya bong polelo ya re;

‘O ba kopile gore…..a tlatsa ka gore ba tshwanetse go kgala kgokgontsh­o ba sa kgwe mathe…..’

Polelo e tswelele mme fa tlase fale, e ntse e supa ka fa Rre Boko a neng a bua ka teng ka kgokgontsh­o ya bong ya re,

‘A re bueng bogolo thata le bana ba basimane gore…..ba seka ba dira sepe se e leng gore ke jaaka ka gale bagolo ba dira,kgokgontsh­o mo botshelong jwa motho o mongwe.

Go nne go tle mme e re polelo e supa ka fa kgosi a neng a leboga ka teng e re,

‘Kgosi Modise o ne a leboela mpho e o…..’ E nne e gogele. Fa tlase fale, fa e supa ka fa e reng kgosi o ne a bua ka teng ka bana ba gompieno ba a reng ba tshwarisit­se batsadi bothata polelo ya re,’

O ne a tlhalosa fa …..bana ba tshwarisit­se batsadi bothataka go tlhoka kutlo…..’

Go tswela pele, di tle ka go latelana dipotso di re, a fa godimo fale o bone tsotlhe di tshwana la masi a kgomo a tswa thobeng, kgotsa o bona go le phoso, diphoso, golo gongwe. Fa o re ga go epe phoso, kana, ga go dipe diphoso, ke eng o bua jalo? Mme fa o re golo gongwe go na le phoso, phoso eo ke efe, ke eng e le phoso? Gape, fa o re go diphoso dingwe, ke dife, ke eng e le diphoso? Mo gotlhe, go bo go ka baakanngwa jang? Fela rona re re, fa godimo fale, re bona diphoso tse dintsi. E le dife tseo? Phoso ya ntlha ke gore polelo e re go ne ga rotloediwa bagolo go bua ka kgokgontsh­o ya bong ba sa kgwe mathe. E le eng re re seo ke phoso? E le ka gore ka Setswana ga e re motho a bua ka selo se se maswe jaaka kgokgontsh­o , a supa gore ga se a siama, go twe o bua a sa kgwe mathe. Setswana sa tlhomamo sa re go kgwa lethe, le go kgwa motho mathe. Malatsi a jale, e ne a re ngwana a rongwa golo gongwe, mogolo a re, ‘Ke kgwa lethe le se ka la kgala o ise o goroge.’ Go bua jalo, motsadi o ne a raya gore ngwana a nanose dinao, a tsamaye, a bowe, go sale nako. A le kgwe mme go nne jalo. Ngwana a tsamaye, a bo a bowe lethe le ise le kgale. Mme fa a ne a ka fitlhela le kgadile, moretlwa o lele. Godimo ga seo, go nne gape le Setswana se se reng go kgwa motho mathe. Se, se raya eng? Se raya go nyatsa motho thata, go mo tlhobosa, o mmona e se motho wa sepe. E le sekai a re re, Tlharapana ke yoo o bua le Tshikarelo ka Kitimetso. O raya Tshikarelo a re, ‘Kitimetso ga se motho wa sepe. Ga e ke e re ka tsatsi lepe, a gorose dikgomo di le mmogo. Fa e le poo e tlhaba e yone e mo paletse. Batho ba buile le ene ba lapile.’ E tlaa re Tlharapana a bua jaana ka Kitimetso, Setswana se re, o kgwa Kitimetso mathe, o a mo tlhobosa, ka o mmona e se modisa wa sepe. Jaanong, fa motho a bua ka selo se se maswe jaaka yone kgokgontsh­o ya bong, a se tiiseditse, a se kgala, Setswana sa re motho o bua a sa kgale mathe ganong. Gape se re o bua, o ne a bua, a menne phatlha.

E nngwe phoso ke gore go twe ‘…..motho o mongwe…..’ Go kwadilwe jaana, e nna jaaka e kete lefoko ‘mongwe’ ke lebadi (lenumerati­ve) E kete ga twe, motho o mongwe, o mongwefela, mme tota go sa reye jalo. Go latele e nngwe gape phoso fa polelo e re,’…..a lebogela mpho e o…..’ Phoso fa ke gore mafoko ‘e’ le ‘o’ a kgaoganye mme a ne a tshwanetse go kopana a dira lefoko ‘eo’ e le lesupi.

Go nne go tswelele mme phoso e nngwe e nne fa polelo e bua ka bana mme e re’…..ka go tlhoka kutlo…..’ Fa phoso ke gore go dirisitswe lefoko le e seng lone. Ga e re ngwana a le seganana, a sa reetse batsadi fa ba bua go twe o tlhoka kutlo. Ngwana yoo ga twe, o tlhogo e thata, ga a na tsebe. Motho o tlhoka kutlo fa ka tsela nngwe ditsebe di le bokoa di sa utlwe. Ka malatsi a jale, motho wa go nna jalo go ne go twe ke susu. jaanong malatsing ano ga twe ke motlhokaku­tlo.,

Go wela re re, go lolamisa Setswana, a polelo e se re’….ba sa kgwe mathe.’ A e re ba sa kgale mathe ganong. Gape e se re’…..motho o mongwe. Fa, e re,’…..motho yo mongwe.’ Ka mpho a e se re, ‘…..mpho e o…..’ mme e re,…..mpho eo….’ Bana bone a go twe ga ba na tsebe e seng ‘…..ba tlhoka kutlo.’ Go nne gone.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana