Mmegi

A re go tsaya eng? (4)

- Mmua -lebe sebofo motshwane

Fela jaaka re a tle re nne re kae, re bone, Motswana ga e re a natetsha Setswana a itsape. A dira jalo, o nwa tlhoa, a tlhoafale, a se natetshe, ke gore a se natifise go nne gone. E re Mpilwana le Ohubala ba letse ba robetse sentle ba sa tlhobaediw­a ke sepe, le serame se sa ba tsena ka ba ne ba robetse fa tlase ga molelo o o bogale wa dikgong tsa motswere, ba re ba letse ba bo jele boroko, ba bo jele bothitho. A bua jalo, se natefe Setswana ka ga a reye go ja ga go tsenya mo ganong jaaka re e ja dijo. Seo jaaka re setse re bonye, e le go natefisa puo fela. Jaanong gompieno ke yoo Motswana re utlwa a re go na le go tsaya tema. Go utlwa a bua jalo, mongwe a bo a ka mmotsa gore tema eo ke eng, e tsewa kae?

Mme gape, gongwe motho yoo a fetele pele a botse gore ka dilo di tsewa ka diatla, di isiwe golo gongwe, yone tema eo, e tsewa jang, e isiwe kae? Gone fa, re name re boetse morago re okomele Thanodi go utlwa gore ya re tema ke eng. Mme e reng? Thanodi e re tema ke bontlha bongwe jwa tshimo kana jwa tiro nngwe. Re dumalane le Thanodi re re, fa ntlo e agiwa, e le ntlo e tona, e kgaoganngw­a ka dikarolwan­a mme dikarolwan­a tseo, di bidiwe dikamore. Fela jalo, tshimo le yone fa e lengwa e kgaoganngw­a ka dikarolwan­a mme tseo tsone di bidiwe ditema e le nngwefela e nne tema.

Jaanong gompieno ke yoo re utlwa a re go na le go tsaya tema. Mme ka botlalo a re seo, ke go tsaya motho tema. Go sale fa, mogopolo o ise o ye le naga, a re boele dipotso tsele tse di reng tema ke eo, e tsewa kae, e tswa jang? Dikarabo di re tema eo, e tsewa fa tiro nngwe e tlaa bong e dirwa teng mme e tsewa ka go thusa motho yo o tlaa bong a dira tiro eo.

E re e le motho a batla o mo thusa a bo a ka re ‘Mma, Rra, tla o ntseye tema’. Mme fa o dumalana nae, o dire jalo, o mo tseye tema. Fa a dumalana nao, le ene a dire jalo, a go tseye tema. Ke gore a go thuse. Go gogela pele, e le go tlatsa se, re re, nako ele, re ne ra bona Mpilwana a tsogetse kwa ga Pudulele a ile go kopa tsala ya gagwe (ene Mpilwana) e leng Ohubala go ya go mo thusa go leta.

Ke bao ba tlhola mmogo ba kuakuetsa. Fa le hulara, ka di ne di kgotshe tsa tswa tsa ya le naga. Mme le bone ba tswa ba boela lwapeng. Ba lala ba bo jele boroko, ba bo jele bothitho jwa molelo wa dikgong tsa matswere. E le bao ba tlhotse mmogo, ba letse mmogo, jwa tiya botsala. Ka la ka moso, kgang ya nna gore, ka mabogo dinku a a thebana le merwalo e a rwadisanng­wa nako nngwe Mpilwana le ene a tle go mo tsaya tema.

Ke gore a tle go mo thusa. Go simolola yone nako eo, ga nna jalo. A feta Motshegano­ng kgwedi e ka yone nong, nonyane e tona, e palelwang ke go a ja mabele ka a thata. E paletswe mabele a e tshege.

Go fetile Motshegano­ng, ga tsena Seetebosig­o. E re Motswana a tlhalosa leina le, a re ke tlhagiso la re, se ete, tsamaye, bosigo wa tloga wa felela nageng ka ke kgwedi, nako, paka, e ka yone go leng serame.

E le serame jalo, monate e nne gore e tletse go tla go omisa dijwalo gore e re morago balemi ba robe. Nako eo, go twe phefo e tlhabile mme balemi ba itumele ka tiro ya letsema e a bo e le gaufi le go wela.

Jaanong a re fetele pele re re, letsatsi lengwe ke leo, mme ba dumalana gore ka le le latelang, Mpilwana a ye go tsaya Ohubala tema ba baakanyets­e go roba.

Ga nna jalo. Ka le le latelang, a sena go ja, a wela tsela Mpilwana a gopotse Ohubala. Ke yoo a goroga a mo fitlhela. Ya bo e le fa e segilwe tema, ke gore tiro e simologile. Ba tswa ba ya nokeng. Ba tswa koo metsi, a gorogile, ba ya mmung; ba ya go tsaya mmu. Tseo di le foo, boloko jwa re ‘Nna ke le boloko ke kae?’ Karabo ya nna go bo latela kwa sakeng. Bo gorogile, tema (tiro) ya tswelela. Mmu wa tlhakanngw­a le boloko, ga tshelwa metsi, ga dujwa, dubiwa. Tseo di dirilwe, ga dirwa mmotwana, ga dilwa, sa felela segotlo. Go ntse jalo ya bo e le fa e wetse tema; Ohubala a tserwe tema ke Mpilwana.

E re tiro e dirilwe ka bonatla jalo e wetse jaaka re bona ya ga Ohubala le Mpilwana a fetele pele Motswana a re, tema go lala ya setshwakga, e nne nnete.

(Poeletso)

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana