Mmegi

A re go tsaya eng? (5)

- Mmua -lebe sebofo motshwane (Poeletso)

Fela jaaka Motswana a setse a boletse gore tema go lala ya setshwakga, ga e re a natetsha Setswana a latlhelele, kana, a itsape. O dira jang? O a tiisa, a tiye moko, a tsenye marapo dinameng mme se loye, se natefe Setswana se nne sone. Gompieno ke yoo re kopana nae a re go na le go tsaya tsela. Gone fa, e re mongwe a sa tlhalogany­e a bo a ka botsa gore ka selo fa se tsewa, se tsewa fa se leng teng se isiwe golo gongwe go sele?

E nngwe potso e bo e ka re e le eo e tsewa tsela, e tsewa jang ka re tlwanetse go tsaya, go tshwara, dilo kgotsa e a sikarwa kgotsa e rwalwa jaaka dinawa tse Setswana se reng o sedige wa di tlatsa kgama di sena morwadi; ke gore motho yo o tlaa dirwalang. E nngwe potso e bo e ka tla gape ya botsa gore mme e le (esengele) eo tsela, e isiwe kae?

Karabo e re ga e tsewe e isiwa gope tsela eo, yone e tsewa ke motho gore e mo ise golo gongwe kwa a yang teng. Eo potso e fetile, go bo go ka tla e nngwe e botsa gore ka gale re tsaya, tshwara, dilo ka diatla, tsela yone e tsewa jang? E re a jaaka selepe e a sikarwa, kana e belegwa jaaka ngwana yo ba reng a sa leleng o swela tharing. Mme e re gwana a lela Mokotedi a mo gakaletse selelo a re a lele thata a se tloge a swela tharing. Go se ke go nne monate. Gape, a kana tsela eo e tsewa ka go rwalwa jaaka dinawa tse Motswana a reng o seke wa di tlatsa kgama di se na (e seng sena) morwadi. Go araba potso ya go re tsela eo, e tsewa ke mang a isa kae, re re e tsewa ka go tsamaya e tsewa ke motho yo o tsamayang mo go yone, kgotsa, ka yone mme a sa e ise gope, e le yone e mo isang golo gongwe kwa a yang teng. Ka selo fa se tsewa se tsewa se isiwa golo gongwe fa, se ke go twe tsela e tsere motho mme motho a bolelwe e le ene a tsayang, tsereng tsela, se e le fela ka motho ke ene a tsamayang mo tseleng eo, e mo isa kwa a yang teng.

Go bula tsela ya go gogela pele re re, re ne re tle re nne re kopane le basimane bangwe, e leng Tlharapana le Kitimetso ba disa kwa Thotaedith­ole. Morago ga dingwaga ba ntse ba le mmogo Kitimetso a tswa, a huduga koo, a ya go disa kwa Roolanoko; ke gore leroo la noko. Ke bao ga feta dingwaga ba ntse ba sa bonane. Bo ka fela botsala? E seng jwa matlhape a baratani. Ga pala. Bosigo bongwe ke joo, Tlharapana a lala a gopotse Kitimetso yo e neng e a re nako le nako a gorosa poo e thaba ele, Blii Kom e bo e letse nageng.

A ipotsa mosimane gore a gompieno kwa a leng teng Kitimetso o di gorositse sentle. A di goroga di le mmogo; a kgotsa o ntse o a timetsa. A e tlhoka karabo. Seo sa dira gore a tlhologele­le tsala thata a bo a batle go e bona ka matlho. A ikutlwa jalo, Tlharapana a simolola go bopa mosepele wa go ya go bona tsala. Gone fa, megopolo ke eo ya tla ya simolola go mo duba maikutlo.

Mongwe wa mo raya wa re kwa a tlaa bong a ya teng go gare ga naga; kgakala. O, a bona e se wa sepe a o fetisa le phefo. O mongwe ke oo, wa latela wa re a se itsape go tsamaya ke go bona. O, ya nna one mogopolo tota a o atla ka la ka moso, a simolola go ipaakanyet­sa mosepele wa Roolanoko. A batla mhago, a phuthaphut­ha tse e tlaa reng a le koo a di apare. Tseo tsotlhe a di phuthile, a tswa a wela tsela. E le efe eo? A tsaya tsela e e tswang mo Thotaedith­ole e feta ka Dipeolane e leba Thukurung. A tlhwaafala a letsa mpheetshan­e a goga mosepele.

A dira jaana ka tota o ne a sa itse gore golo a go yang go kgakala go le kae e se re gongwe a phirimelel­wa nageng mo kgaolong e a sa e itseng. Fa a ntse a goga mosepele, a setse a katogile Thota, a bona morukuru ke oo fa gare ga tsela. Ka o ne a kile a o utlwalela ka mongwe a itlhaganel­a a tsena fa go one.

Foo, tsela ya tswa ya leba bophirima e le ya Lerulaneng. Ke yoo a ema. Gone foo, e nngwe ke eo ya tswa ya leba Botlhaba yone e le ya Ditshetshw­ana. Mosimane a ema a leba thata go bona gore a ga a a ya le naga mme a bona ele yone tsela tota e a tshwanetse­ng go e tsaya. A bonye sentle gore ke yone, a e wela a letsa mpheetshan­e a gogela pele.

Ga a a tsamaela gope kgakala, a feta Ditshetshw­ana a bo a bile a gorogile mo Roolanoko. Ya bo e le fa e mo gorositse mosimane, tsela e e rileng a tswa mo Thotaedith­ole a e tsaya. Ke gore a tsamaya ka yone, mo go yone go ya Roolanoko.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana