TSHEKO YA GO KOPA PHIMOLAKELEDI KA NTLHA YA BOLWETSE JWA SILICOSIS LE THIIBII
Tumalano e e fitlheletsweng ya go Ntshiwa ga Phimolakeledi mo tshekong ya go kopa phimolakeledi ka ntlha ya bolwetse jwa Silicosis le Thiibii mo gare ga ditlamo di le thataro tsa meepo - African Rainbow Minerals, Anglo American SA, Anglogold Ashanti, Gold Fields, Harmony le Sibanye-stillwater – le baemedi ba bangongoregi, e ne ya dumelelwa ke Kgotlatshekelo Kgolo e e kwa Johannesburg ka 26 Phukwi 2019 mme ya simolola go tsena mo tirisong ka 10 Sedimonthole 2019 fa go se na go fitlhelelwa maemo otlhe a a batlegang.
Dikopo tsotlhe tse di dirilweng kgatlhanong le ditlamo tsa meepo tse di amegang mo tumalanong eno le bomphato ba tsone tse di bakilweng ke kgotsa tse di amanang le bolwetse jwa Silicosis le Thiibii, go akaretsa le kgetsi ya tsheko ya go kopa phimolakeledi e e neng ya bulwa mo pele ga Kgotlatshekelo Kgolo, di berekwa tumalanong le melao ya Tumalano ya go Ntshiwa ga Phimolakeledi. O tshwanelega go kopa phimolakeledi fa e le gore: 1. o kile wa bo o dira kwa meepong ya gauta magareng ga 12 Mopitlwe 1965 le 10
Sedimonthole 2019; 2. o kile wa dira mo go o le mongwe kgotsa go feta wa Meepo E e Mo Tumalanong eno (bona lenaane le le fa tlase) ka dinako tsa fa meepo eno e ne e le ya ditlamo tsa meepo tse di ntshang madi ano a phimolakeledi kgotsa e laolwa ke tsone; 3. o ne o dira tiro e e neng e dira gore o tsenwe ke lerole la silica; e bile 4. o tsenwe ke bolwetse jwa Silicosis kgotsa Thiibii KGOTSA o tlhokomelwa (ka sekai, o
mosadi, ngwana kgotsa o molekane) ke modiri yono wa kwa meepong yo o tlhokafetseng.
TSWEETSWEE BALA KITSISO ENO KA KELOTLHOKO GONNE E KA TSWA E AMA DITSHWANELO TSA GAGO.