Mmegi

Ga o tsenngwe gope

- Mmua -lebe sebofo motshwane

Fela jaaka gale, e ne ya goroga kgwedi ya Phalane kgwedi e Motswana a reng ke ya diphala di tsala. Gape, ka ngwao ya Setswana, ke nako ya pula e phaila mme letsema le ntshiwe. Go ya ka gore re ntlha efe ya Botswana, bangwe ba re le bulelwe, ba bangwe ba re le bolodiwe mme go bo go ntse go tshwana, e le (e seng ele) selo se le sengwe. Gompieno re utlwa fa ka yone kgwedi e, letsema le ne la bolodiwa kwa Makaleng le metse e mengwe e e (e seng ee) gaufi le Makaleng. Ka go bolotsa letsema ga se tiro ya go etelelwa pele ke mongwe le mongwe, e etelelwa pele ke kgosikgolo, koo la bo le bolodiwa ke Kgosi Thuso Ramokate wa Makaleng.

Polelo ele, e e reng go ne ga bolodiwa letsema kwa Makaleng, re e newa ke Dikgang (Daily News) Phalane 5 2020.

Fa e bua ka batho ba ba neng ba tsenye tiro e, polelo ya re,’Modiro o, o ne o kopantse banni ba Makaleng, Botalaote,…..kwa kgotleng kgolo ya Bokone Botlhaba.’ Polelo e tswelele mme fa tlase fale e re, ‘E rile a bolotsa letsema Kgosi Ramokate…..a kopa morafe gore o tsee temo ka tlhwaafalo…..’

Fa e bua ka fa e reng kgosi o ne a tlhalosa ka teng gore ke eng go boloditswe letsema polelo ya re, ‘A re …..go tla seke go nne le meletlo kana diphuthego dipe…..se e le go rotloetsa batho go tsenya moko mo temong.’ Ke eo, o e utlwile polelo wa ba wa bona jaaka e kwadile. Jaanong, jaaka gale, potso e re, a fa godimo fale o bona phoso nngwe, kana, diphoso dingwe? E re, fa o re ga go epe phoso ke eng o rialo. Mme fa e le gore go nngwe phoso ke efe eo, gape ke eng e le phoso? Kgotsa fa go le diphoso dingwe, ke dife tseo, ke eng e le diphoso? Mme di ka baakanngwa jang? Ga re itse gore a o tlaa araba o re o bona nngwe phoso, diphoso dingwe, kgotsa, gotlhelele ga o bone sepe, o bona tsotlhe fela di lolame. Fela ka kwano re re, re bona diphoso tse dintsi. E le dife tseo? Phoso ya ntlha ke gore polelo e bitse tiro ele ya go bolotsa letsema e re ke modiro. Ya re, ‘Modiro o, o ne o kopantse …..’ Re re, lefoko ‘modiro’ ga le a dirisiwa sentle ka gore, fa go le modiro, go a jewa, go a nowa, go a opelwa, go binwe, e nne boitumelo jo bogolo. Gape, tiro ya go nna jaana, go twe ke moletlo. Re a tle re utlwe mafoko a, a dirisiwa fa go le lenyalo. E re mongwe a re go lenyalo, yo mongwe fale a re go modiro. Mongwe gape a re go moletlo wa lenyalo. Jaanong, fa go bolodiwa letsema ga go dirwe jaaka re tle re bone go dirwa fa go le lenyalo. Eo, ke tiro fela ya go reetsa gore kgosi a reng. Go itumela, e nne go itumelela fela gore letsema le buletswe, go se na gope go ja, go opela, go bina. Jalo he, ka lone lebaka le, re re ga go a tlhamalala gore polelo e re go bolotsa letsema ke modiro. Gape, ga re ka ke ra re ke moletlo jaaka go a tle go buiwe ka lenyalo. Eo, ke tiro ya go golola,kana, go rebola morafe go ya go lema. E nne tiro fela e seng modiro.

Phoso e nngwe e nne lefoko ‘tsee.’ Ga twe ‘…..a kopa morafe gore o tsee temo ka tlhwaafalo…..’ Fa, phoso ke gore lefoko le, le kwadilwe jaaka ba le bantsi ba le bitsa fa ba bua. Lefoko ka botlalo ke ‘tseye’ le tswa mo go tsaya. Ba le bantsi fa ba bua, ba metse tlhako ele, e leng ‘y’ mme mafoko a, a felele e le tsaa le tsee jaaka re bona polelo e kwadile.. Moo, e bo e se gone. Fa re ntse re tla le polelo re bone phoso e nngwe e le gore polelo e re go emisa diphuthego le manyalo e a bo e le go rotloetsa batho go tsenya moko mo temong. Fa, ka Setswana, ga go tsenngwe moko mo tirong. Go tlhalosa se, a re tseye sekai re re, Mpudulele ke yoo, o baakanyets­a go apaya Fa Mpudulele ene a bona a dira a tlhagafets­e, Seleetswan­e ene, e leng mmaagwe, o bona a iketlile thata e kete o lapile. Go bona se, Seleetswan­e o raya Mpudulele a re, ‘Heela, ngwana ke wena. Tlogela go lepelela letsatsi le a tsamaya, ga le a go emela. Dira o tiile moko, o tsenye marapo dinameng.’ Se bua jalo Setswana sa re, go tiya moko, go tsenya marapo dinameng, se raya gore motho a tlhagafale­le tiro. Ga se re a tsenye moko mo tirong jaaka polelo yone e bua. Mme gape, se nne sentsi Setswana. Fa motho a tlhagafale­tse tiro, go se sepe se se mo kgoreletsa­ng go e dira, go twe, o tsentse, o tlhomile, mogopolo otlhe mo go yone. Gape go twe, motho o emetse tiro ka dinao. Ga e ke e re ka nako epe go twe motho o tsentse moko mo tirong. Moko ga o tsenngwe mo tirong. Motho o tiya moko, a tsenye marapo dinameng. Go digela kgang re re, a polelo e se re,’…..a kopa morafe gore o tsee…..’ Gape, a e se re,’…..go tsenya moko mo temong.’ Go lolamisa Setswana, a polelo e se bitse go bolotsa letsema e re modiro. A e re ke tiro. Ka go tlhagafale­la temo, seo, ke go tiya moko e seng go tsenya moko mo temong. Jaanong, le balemi a ba tiye moko, ba tsenye marapo dinameng. Moko one ga o tsenngwe gope.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana