Mmegi

A re go ja eng? (3)

- Sebofo motshwane

Etlaa a re le gompieno re nne re tswelele re bue ka lenatetsha­puo la, papisapuo ya, kana sekapuo sa, go ja…. Go fetela pele re re, e tlaa re Motswana a ntse a tsweletse a natetsha puo, a bapisa puo, kana, a dirisa sekapuo a re go na le go ja ka molelo. Mme a raya eng? A raya go fisa, kana, go tshuba selo.

Gone fa, a re tseye se ba reng Mokotedi o ne a se dira e le sekai. Ba re Mokotedi o ne a dira dilo fela jaaka a ne a utlwa go buiwa. Ga twe tsatsi lengwe ntlo ke eo, e le gaufi le ga Mma Mokotedi ya a sha. A re re ntlo eo, e ne e le ya ga Mma Thitokgolo. O ka bona ntlo ya ga Mma Thitokgolo e e sha, ya ga mmaagwe yone e sa she? Ba re, a se ka a tlhola a re ka moso Mokotedi. A tsaya molelo a tshuba ya ga mmaagwe. Gone fa, batho ba hakgamala ba ipotsa gore Mokotedi o dira eng.

A se ka a itsenya dingalo Mokotedi a ba araba fela ka gore matlo go sha mabapi. Go bua jaana, le gore a bo a tshubile ntlo ya ga mmaagwe, Mokotedi a bo a ne a dira fela jaaka seane sele se bua, a sa dirise tlhaloso ya sone. Mme ke eo e ne ya sha ntlo ya ga Mma Mokotedi. Jaanong e tlaa re Motswana a bua ka tiragalo eo, a re Mokotedi o ne a ja ntlo ya ga mmaagwe ka molelo a raya gore o ne a fisa, a tshuba, ntlo eo. Ba re o e fisitse o e tshubile. A nne a gatele pele Motswana a natefise, a natetshe puo mme gape a re go na le go ja ka moretlwa, ka thupa, a raya go betsa, kana, go itaya. Jaanong a re re, e ne ya re maabane, bo sena go sa, Pupudu a tswa, e le go ithapolola maoto, a leba ga Seopana. A mo fitlhela ba tlhola koo go jewa dikgang, go jewa dijo, metsi a masetlhana le one a le foo, go nna go digelwa dijo ka one. Boitumelo ya tlhola e le jo bogolo.

Fa le setse le hulara, a tswa a boela ga gagwe a fitlhela Thulana ba nna foo mme gone go se dipe dikgang. Ka phirimane, a utlwa e kete nko e ka sunetsa. A ema,, a iphophola, a leba kwa le kwa, a se ka a bona toise gope. Gone fa, a belaela gore e setse kwa ga Seopana. Ke yoo, a itlhoboga a lala foo nko e phaphalets­e.

Ka moso bo sena go sa Pupudu a nna a tlolaka, toise mme ya bo e ntse e tsenye ka lenga la seloko. Go bona se, Pupudu a nna a belaela gore, ka tsela nngwe, toise e setse kwa ga Seopana kwa a neng a le teng maabane. Gone fa, a roma Thulana go ya go tlhola toise koo.

Fa Thulana a tswa ka kgoro mmaagwe a mo tlhaeletsa a re ‘Ngwana ke wena o tlhatlhose dinao, o itse gore ke letse fela, ke tsogile fela.’ A tshema tshema Thulana a leba ga Seopana a bo a bile a gorogile le thomo a e gorogsitse. Ka bofefo Seopana a tla ka toise a bolela fa Pupudu a ne a e lebetse fa baneng ba ntse teng maabane. A bowa a wela tsela Thulana.

Temana khutshwane ke a bile a gorogile. Le fa go ntse jalo, ka pelo e ne e thunya, mmaagwe a mo galefela a re, ‘Ngwana ke wena, ke rile ke letse fela, ke tsogile fela, o itlhaganel­e. O ne o diilwe ke eng?’ Fa Thulana a re o a araba, mmaagwe a mo kgaupetsa a re ‘Didimala, ke tlaa go ja ka moretlwa o tle o itse gore e re o romilwe o tsose dinao, e seng go tlhola nageng.’ A rialo, Pupudu a raya gore o tlaa betsa, itaya, ngwana ka a bona a diegile, a sa itlhaganel­a jaaka ene mmaagwe a ne a solofetse.

E re a ntse a tla ka one manatetsha­puo, a tla ka tsone dipapisapu­o, le dikapuo, Motswana

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana