Mmegi

A re go ja eng? (6)

- Sebofo motshwane

Eiteile kgomo lonaka naane, bangwe ba re kinane, ya re go na le sebagana seleele selapisa bafololedi. Re nne re re, re bona mosepele wa rona wa go ja…. e le sone sebagana seleele tota, ka ke oo, o sale o simologile mme le ka jeno ga o ise o wele. Jalo he, e tlaa re le gompieno di nne di gogele pele. E re di le mo tseleng, go tiisa mosepele, re opele re re, Leha tsela e sekaka Rara U nkgoge.

Mosepele o nne o tswelele mme go tle e nngwe papisapuo e re go ja mokaikai. Mme fa Motswana a e khutswafat­sa a re go kaila. Jaanong a re tseye sekai re re, fela jaaka gale e ne ya re moso ono, basimane ba sena go fitlhola tsa bolola go ya go phoka.

Ke yoo Tlharapana a di sala morago. Ke yoo a di pega thota ya lenato. Tsa fologela ka kwa tsa bo fitlhela tsa bo kgetla. Fa a setse a bona gore dimpadi a ngamoga, a kgalema tsa bowa tsa pagama motlhaba.

Tsa wela ka kwa, tsa ema fa mogobeng wa lenatwana tsa a goga. A bowa a kgalema mosimane tsa wela tsela tsa gopola sakeng. Ke tseo tsa goroga mme a bitsa Matlhogela gore a tle ka kgamelo.

Ya tla e tswa kae kgamelo. Matlhogela a tlolaka a ya kwa le kwa, a leba kwa le kwa, kgamelo ya se ka ya bonala gope.

Fa a setse a fedile pelo, Tlharapana a kgalema ka lentwe le le bogale a re, ‘Mosimane tlogela go ja mokaikai. O kaila e le gore thata o batla eng?’ Fale Matlhogela a re, ‘ke batla kgamelo ga ke e bone.’ Tlharapana a ipoeletsa a re, ‘Mosimane, e ga se nako ya go ja mokaikai letsatsi le a tsamaya. Kgamelo ke eo mo godimo ga mosetlha one oo.’

Mosimane a leba a e bona a re ‘Aa, ke ne ke lebetse gore ke letse ke e pegile fa.’ A e bona a e tsaya a ya go neela Tlharapana. Ga gangwa. A ne a batla kgamelo a sa e bone, a tlolaka a ya kwa le kwa, a kgarakgats­hega, ke gone Motswana a tlaa reng mosimane o ne a a ja mokaikai. E re a khutshwafa­tsa kgang a re mosimane o ne a kaila.

Mosepele o nne o gogele pele mme go tle se sengwe sekapuo se re go na le go ja ntshwakgo. Mme a re supe gore se se farologane le dikapuo tse dingwe ka sone ga se tlhamalale sa re motho o ja ntshwakgo. Go na le go bua jalo, sone se re motho o jele ntshwakgo. Re botse Thanodi gore ntshwakgo ke eng mme e re ke mokgwa wa go tlwaela go dira sengwe, go lemala.

Jaanong a re tseye sekai re re, ke yoo Thitelwana o tsogetse kwa ga Osesane. A mo fitlhela ba nna fatshe ba itekodisan­ya. Dikgang le tsone tsa latela go tsewa kwa le kwa, go buiwa ka sele le sele.

Fa go ntse go tsweletse, Thitelwana ke yoo o leba Osesane a re, ‘Ao mma a gompieno ga go jewe? Ke sale ke tsenye le fa e le go latlhela sepe mo ganong. Molato eng?’ Ka fale Osesane a re ‘Ngwanyana ke wena o jele ntshwakgo. O batla gore nako tsotlhe o le fa, ke nna ke eme ke apeye o je wena sa gago e nne go pharalala fela. Nnyaa mma. Ga o moeng o mo ga mogoloo. Ya tsie e a tshwaragan­elwa. Gompieno a go eme wena.’

A utlwa Thitelwana a ema a ya go apaya tsa tla ga jewa. Jaanong o tlaa utlwa sentle gore fa Osesane a re Thitelwana o jele ntshwakgo, o raya gore o tshwakgogi­le, o tlwaetse gore e re go tlaa jewa Osesane e bo e le ene a emeng a apaya.

Gone fa ba bangwe boemong jwa gore motho o jele ntshwakgo, o tshwakgogi­le, ba re o jele tlwae, o tlwaetse. Go nne go tshwane. Mme la gompieno ke leo la nna le sele mo go Thitelwana. A jaanong o tlaa e kgwa ntshwakgo, tlwae, ka ke yoo ga twe o e jele, ga re itse. Gore e tlaa re fa a ka e kgwa go nne jang re ntse ga re itse. Eo, e tlaa sala e le ya gagwe le mogolowe.

Go nne go tswelele pele mme go tle le lengwe lenatetsha­puo le re go ja kgakge. Gone fa, a re supe gore le, le farologane le manatetsha­puo a mangwe mme le tshwane le la ntshwakgo. O bonye fa godimo fale gore leo, ga le re motho o ja ntshwakgo, la re o jele ntshwakgo. Fela jalo le la kgakge ga le re motho o ja kgakge. Lone la re motho a sala a jele kgakge.

Jaanong a re nne re boele fa morago fale re re, ga twe letsatsi lengwe, ntlo e rona re reng e ne e le ya ga Mma Thitokgolo ya a sha. Go bona se, Mokotedi a ja ya ga mmaagwe ka molelo. Batho ba hakgamalel­a tiragalo e. Ga twe fa ba botsa Mokotedi gore o dira eng, ke eng a dira jalo, a araba ka gore matlo go sha mabapi. Batho ba nna ba hakgamala ka Mokotedi o ne a dira fela jaaka seane se bua a sa dirise tlhaloso ya sone. Go ntse jalo, Mokotedi a hakgamadit­se batho mo go kalokalo ke gone Motswana a tlaa reng batho ba ne ba sala ba jele kgakge.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana