Mmegi

A re go ja eng? (10)

- sebofo motshwane

Re tlaa nna re re ke oo mosepele wa rona wa go ja…..o ntse o gogela pele. Gore a tsatsi jeno mosepele o o a wela, kgotsa, o sa ntse o tlaa tswela pele ga re itse. Fela re gatele pele re re, e a re Motswana a ntse a natetsha puo a fete ka go ijesa dijo tsa ditoro mme gape a re go na le go jesa motho dijo tsa ditoro. Fa, motho ga a ijese o a jesiwa. Go supa pharologan­yo ya go ijesa le go jesiwa a re boele fa morago fale re re nako ele re ne ra re lengwe la manatetsha­puo ke la go ja dijo tsa ditoro mme gape ra re le, le farologana le manatetsha­puo a mangwe ka ga le tlhamalale la re motho o ja dijo tsa ditoro.

Go na le go tlhamalala le re motho o a ja, la re motho o ijesa dijo tsa ditoro. Le raya eng? Le raya gore motho o eletsa sengwe se e leng gore tota go thata gore o ka se bona, kana, a se itirela. Yone nako ele, e le sekai, ra bona basimane ba eme fa tlase ga tsela ya Letloping le Khudiring.

Fa ba ntse ba eme foo, koloi ke eo ya feta. Go e leba Sapelo a bona e le ntle thata mme a e eletsa a ba a bolela fa ngwaga o ka se ka wa fela a ise a e reke. Fa Wapiitse a mmotsa gore o tlaa e reka ka eng, Sapelo a araba ka gore o ya go rekisa dipodi tsa gagwe tsotlhe a reka koloi eo. Gone fa, ka Wapitse a ne a bona Sapelo a se na ape madi a go kgona go reka koloi ele, a mo raya a re o ijesa dijo tsa ditoro. Go bua jaana Wapitse a raya gore sa ga Sapelo ke go eletsa fela, le go dumela gore o ka reka koloi ele mme gone tota a ka se ka a kgona sa gagwe e le go lora fela gore go ka nna jalo. Re re, a e tlaa re motho a sena go di ja dijo tseo tsa ditoro a di kgore, kana, go nne jang, ga re itse. Gongwe go ka itse Wapitse ka Sapelo ke yoo o di ijesitse a na nae.

Jaanong re bua ka go jesiwa dijo tsa ditoro a re ntshe sekai re re ngwagatlol­a,ka letsatsi lengwe ke lele, Seopana ke yoo a wela tsela a leba ga Tsotsojane e le la ntlha a mo etela. Ka go ne go katogile, ke gore go le kgakala, a tsholetsa dinao a goroga. A tsena koo a fitlhela mang?

A fitlhela jaaka gale a le mmogo matlhape a baratani, ke gore di le mmogo ditsala tse dikgolo Tsotsojane le Pupudu. Ke bao ba tlhola mmogo a le gare ga bone Seopana go jewa, go tloltwa, metsi a masetlhana le one a ntse a le foo go digela dijo le go loisa ditlotlo.

Ka e ne e le la ntlha Seopana a baya lonao koo a itumela thata go bona ka fa Tsotsojane a ba tshwereng ka teng. Fa go ntse go tsweletse, ke yoo a tlhoma Tsotsojane matlho a re, ‘Hei,Tsotsoje ke ntse ke sa itse gore o motho yo o mamu, yo o botho jaana ka ke ntse ke go bona fela ke go lebela fale. Jaanong gompieno ka ke go atametse ke gone ke bonang gore o motho a ka tshela le batho. Fa ke ne ke na le kgaitsadia­ke ke ne ke tlaa mo go atametsa gore lo leke botshelo mmogo.

Go utlwa Seopana a bua jalo, Pupudu a leba Tsotsojane a re, ‘Tsotsoje o se utlwe yoo a bua jalo, o go jesa dijo tsa ditoro. E ka re ene a paletswe ke go mo ikatametsa, wena a mo go atametsa jang?’ Go utlwa ao, Seopana a re, ‘E le gore ke ne ke ka ikatametsa kgaitsadia­ke, e le bofe joo botlhododi?’

A tla gape Pupudu a re,’Nnyaa mma. Ba bantsi ga se yo o mo lwapeng fela. Mo ikatametse pele o tlogele go jesa tsala ya me dijo tsa ditoro.’ A nna a gana Seopana a re a gagwe mafoko ga se dijo tsa ditoro ke boammaarup. A leba Tsotsojane a re, ‘Mma o bolotse mosepele ke ya go go tlela ka motho tota e seng matlhogoja­ne. Ene a le kae Tsotsoje? A le foo sa gagwe ya nna go tsaya ka tsebe fela. Mo pelong a ipolelela gore pina e na le beng a ba tlogele ba e opele ba e bine ba le nosi koo. La tsamaya letsatsi ya tla nako ya gore go kgaoganwe. Pupudu a leba ga gagwe Seopana le ene a boela morago. Go tswa lone tsatsi leo, Tsotsoje jaaka ba mmitsa, o sale a lebile tsela Pupudu le ene a tlhwaile tsebe a solofetse go utlwa mafoko mangwe ka kgang ele. Go fitlhelela la gompieno ga a ise a bone ope Tsotsoje le fa e le go tlhobosedi­wa sepe.

Fela jalo Pupudu le ene ga a ise a utlwe sepe. Jaanong ka ke foo ga go a dirafala sepe, le fa e le lepe lefoko go tla go latolela Tsotsoje se a neng a se solofedits­we ke gone Motswana a tlaa reng mafoko a a monatenate ale a ga Seopana e ne e le go jesa Tsotsoje dijo tsa ditoro fela. E le eng

a jesitswe dijo tsa ditoro? E le ka gore Seopana o ne a bua monate e bile go bonala tota a tlaa dira se a neng a se solofetsa Tsotsoje mme ga se ka ga nna jalo. Ke gone Motswana a tlaa reng seo e ne e le ditoro, go lora, go eletsa, fela.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana