Mmegi

A re go ja eng? (12)

- Mmua -lebe sebofo motshwane (Poeletso)

Seane ke seo sa re, se sa feleng se a tlhola se raya gore sengwe le sengwe se na le nako ya gore se fele, kana, se khutle. Jaanong le fa mosepele o wa go ja……o ntse o ya pelejaa na, re du mel ago re et la at lanako ya gore owe le, kan a,ok hut le, of ele.G on ne jaloo we le. Eleoo,o wet se le ron are bone go ikhutsa, boikhutso. Mme ka letsatsi leo, ke leo, ga le ise le goroge, re ntse re lekela pele. E lele foreselaga mme re re, e tlaa re Motswana a ntse, a natefisa Se tswana are go na legoja tlala. Gong we o bots ego ree le eng go jewa tlala? Gape yone tlala eo, e jewa jang? Go go araba a re e le ka gore go a bo go se na dijo. Ke gore ka lebaka lengwe, kgotsa, mabaka mangwe, go sen asepe se sekaje wang. Gone fa, a rent she sekai re re, ke yoo Sehudula o dikile a lemile. Ke ao a mo rata mabele, ya a rwala tshimo ya gagwe. Go bona ear we leja lo, aitu me lat hat a a dumela gore o tlaa dika a tladitse difalana le disigo. A tloga a a bona kae? Gape, e le kae thaga? Ya tla ya re, ‘Nna ke thaga ke fano.’ Ya a aja.Sehu du lao kile are oa kuakuetsa al eta, aeko ba, ya pala nonyane ya re,‘Nnake thaga fano gake ts we,keaja.Eok gang ya gore mo let at ha gaoja natso, fadiej aka fa, eneoj aka kwa, ga ke mo go yone. Ke tswa ke jele, tema e bonala. Ga ke fofele lefela ke a ja ke a tswa. Gore moletathag­a le mong wa tshimo ba sala ba a ja eng, eo kgang ke ya bone.’ Ya bo e le fa e padile nonyane. Ga nna fela jalo. Ya tla nako ya go roba. A roba, a photha Sehudula mme a di bona kae difalana le disigo tse a neng a di solofetse? Boemong jwa tseo, a bona thobo fela e e seng ya sepe. E re a itekodisa ditsala a re o ne a lemile a re o a itemela nteko o lemela nonyane, o lemela thaga. Fa ba mmotsa gore o raya jang, a re o ne a tsoga moso le moso a ya tshimong a ya go leta mme thaga ke eo le yone ya lepalepana nae. A re e tsogele koo, e tlhole koo, e e ja mabele mo a neng a felela a itswela fela. A fetele pele a re o bona fa go lema ga gagwe e ne e le matsapa a lefela fela ka ga go a mmusetsa sepe.

Jaanong ka letsatsi lengwe ke leo, Morogwana a tsena kwa ga Sehudula a mo jetse nala. Ke bao ba tlhola mmogo e le ditlotlo fela go sa jewe sepe mme yo wa moeng ene a gabagabega a batla dijo. Fa e setse e kete o tlaa itlhoboga gore ga go ke go jewe sepe bana ke bao ba tla ka megotswana, megopo e mennye, mme ba mo naya wa gagwe. A leba mme a bona mo teng e se dijo dipe tse dintsi tse a neng a di solofetse.

Go bona jalo, a hakgamala a re,’Ao mma a re tlaa re re a ja gone mo?’ Ka go bua tsala Sehudula a se ka a e tseela gope. Ke gore a se ka a tenwa ke mafoko ao. Fela a araba ka gore mo ga gagwe go jewa tlala ka o dikile a jetswe ke dilo. A tswelela a re o ne a lema mabele nteko o lemela thaga. MMidi wa jewa ke sebokwana dinawa tsa jewa ke yone khukhwanya­ne ele, ene a sala fela. Gone fa, a tlatsa ka gore,’Jaanong jaaka o bona mma, mo ga me mo, re ja tlala. Letsatsi lengwe re tsoga fela. Le lengwe re tlhole fela mme le lengwe gape bana ba robale fela le fa e le go lalela ba sa lalela ka sepe.’ Tsala ya dumalana nae ya re, fa e le gore go ntse jalo, ga se seemo se se monate; ke gone go ja tlala tota. Sehudula a tlatsa tsala a re,’Go ntse jalo mma, ga ke tlhabe ape mainane.’ A tswelela a re e re a lelela gore dilo tsele di mo senyeditse, bangwe ba re a se lele ka le tsone ke dibopiwa tsa Modimo di tshwanetse go ja. Ba tlatse ka gore Morena o rile ga di leme mme di a ja; jalo he, re tshwana le tsone re se tshwenyege ka gore re tlaa ja eng. A re e re ba bua jalo, a se ke a nne le ape a dumele gore go ntse jalo ka ke leo, le ntse le a mo tlhabela le sejo sa letsatsi o a se bona.

Jaanong ke yoo Sehudula o ja tlala ka o senyeditsw­e ke dinonyane a se ka a bona thobo e ntsi ele, e a neng a e solofetse. Mme gape, o ka ja tlala e se gore ga go na dijo mo ga gagwe. E le eng? Dijo di le teng mme ka mabaka mangwe a sa kgone go apaya a ja jaaka go tshwanetse. E le sekai a re re, ke yoo o nosi mo lwapeng. Ka ga a tsoge sentle o a lwala, ga a kgone go ema a apaya. Le tswa fela le bo le tlhatloge a ise a je sepe. Go ntse jaana, o tlaa nne a re o ja tlala ka ga a di bone gope.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana