Mmegi

A re go tsaya eng? (2)

- Mmua -lebe sebofo motshwane

Etlaa a re re ise re ye gope kgakala re re, re khutsa ka mangole, re suga diatla, ka jaana mosepele ole wa Labotlhano yole, o o neng o re Go tsaya kgato (2) ga o a ka wa gata jaaka re a tle re nne re gate. Gongwe o botse gore o ne wa gata jang? Karabo e re, ka gale re simolola ka go botsa potso e e leng yone modi wa kgang. Morago ga potso eo, go latele karabo e yone e leng moko wa kgang. Mme maloba jaaka re setse re supile, ga se ka ga nna jalo. Mme ga nna jang? Re ne ra bona go se na epe potso go re bulela tsela. Gongwe potso e tle e re e le eng go ne ga direga jalo? Gone fa, re re ga go na epe karabo ya tlhomamo. Go bonala fa ka tsela nngwe mogopolo o ne wa eta, wa latlhega mme le monwana wa o sala morago. Ya bo e le gone fa di sa goga jaaka gale. Go ntse jalo ka e ne e se ka bomo, (e seng kabomo) jaaka bangwe ba tle ba kwale,re tlaa re, re khutsa ka mangole, re suga diatla, seo e le go kopa maitshware­lo. A e ne modiga. Eng? Pula. Go bua jalo Motswana a re a bo a ikoba, a rapela tota gore a itshwarelw­e ka phoso o a bo a e dira ka bomo, o a bo a latlhilwe ke sengwe, kana, ke mongwe. Mme le rona re ntse ra re ga re itse gore re ne ra latlhwa ke eng, ke sone se re reng mogopolo o ne wa eta mme ra latlha tsela ya gale ra tsaya e sele. Go diregile phoso jaaka re bonye Motswana a re mohudi ga go fose wa tlhobolo fela a raya gore motho mongwe le mongwe o kgona go dira phoso, kana, phoso e tsetswe le motho. Yo mongwe fale ene a re there is no effort without error. A otlhe mafoko e nne nnete. Re fete foo, re gogele pele re re lenatetsha­puo le la go tsaya kgato, fela jaaka la go ja boroko, ga le tlhaloso nngwefela. Fela jaaka la go ja boroko le ditlhaloso pedi go ya gore go buiwa ka eng, kana, kgang ke eng.

Jaanong go supa pharologan­yo eo, re boele morago re re, nako ele re ne ra bona Kgabutle a huduega maikutlo, a feretlhega mogopolo, a ipotsa gore o ka dira eng go babalela dipodi tsa gagwe ka dibatana, phiri le phokoje, di ne di tlhasetse di senya. Gone fa a ipotsa gore o ka dira eng go babalela loruo lwa gagwe. Dikakanyo le megopolo ke tseo tsa mo tlela di le dintsi thata. Gare ga tseo tsotlhe ra bona a ya le mogopolo o o neng o re a age lesaka le le tona le le thata mme dipodi tsa gagwe ka nako epe di se bolole, di nne fela moo. Gone fa, mogopolo o bo o wetse a sa tlhole a ipotsa dipe dipotso ka go babalela loruo lwa gagwe. Mogopolo e le oo, o wetse a tshwanelwa ke go tsaya kgato. Ke gore go dira se mogopolo o neng o se mo raya. Ka ke foo re utlwile bontlha bongwe jwa tlhaloso ya go tsaya kgato, a jaanong re lebe ka ntlha e nngwe go utlwa gore godimo ga go dira se mogopolo o neng o se mo raya motho gape o ka tsaya kgato ka lebaka lefe, kana, go dirafetse eng. Gone fa e le sekai re re, letsatsi lengwe ke lele, jaaka gale, tsa bolola dipodi tsoora Sedikwa se Motswana a reng se dikilwe ke ntsa pedi ga se thata. Tsa tswa tsa ya mahulong a tsone a gale. Ka e nele pula, tsa tlhola koo di tlolaka le naga di selasela. Le setse le lebile go wela le tsone tsa wela tsela go leba sakeng.

Fa di ntse di le mo tseleng, leru le lentsho ke leo la tla le tswa bophirima e bile le patilwe ke dikgadima tse di bogale thata phefo le yone e ntse e di buledisits­e. Fa di ntse di tsweletse le mosepele, logadima ke loo, lwa kgweetsa. Mme ka di ne di le gaufi le tshimo ya ga Mmutedi ke tseo tsa phadimoga tsa tlhagelela mo go yone. Ka le ne le setse le phirimile gale di ne di tlhotse mo mahulong a matalana tsa lala fela moo di sa je sepe. Jalo he, tsa se ka tsa senya sepe mo go kalo.

Ka a ne a letse a tshositswe ke pula ele, fa la ka moso le tlhaba Mmutedi a tsogela kwa tshimong go ya go bona gore koo go ntse jang. A tswa ka kgoro a re matlho leba mme a bona dipodi di tletse mo tshimong. Ka o a di itse a bo a bile a ya go rolela mong wa tsone kgang; ke gore se a se bonyeng. Ke bao ba bo ba bile ba tswa go ya go bona gore kwa tshimong go ntse jang. Nnyaa ba fitlhela di sa senya gope mo go kalo.

Ke yoo Mmutedi a nna pelotlhomo­gi a raya Sedikwa a re o a mo itshwarela ka dipodi di ne di tshositswe ke pula. E seng jalo, o ka bo a tsaya kgato, a tseela Sedikwa kgato. Go bua jaana, Mmutedi a raya gore fa dipodi tsele di ne di mo senyeditse o ka bo a atlhola kgotsa a otlhaya Sedikwa ka tsela nngwe. A dirile jalo Mmutedi o tlaa bo a tseetse Sedikwa kgato e le go supa gore ga a itumelela tirafalo ele.

 ??  ??

Newspapers in English

Newspapers from Botswana