The Voice (Botswana)

TSHEKO YA GO KOPA PHIMOLAKEL­EDI KA NTLHA YA BOLWETSE JWA SILICOSIS LE THIIBII

-

Tumalano e e fitlhelets­weng ya go Ntshiwa ga Phimolakel­edi mo tshekong ya go kopa phimolakel­edi ka ntlha ya bolwetse jwa Silicosis le Thiibii mo gare ga ditlamo di le thataro tsa meepo - African Rainbow Minerals, Anglo American SA, Anglogold Ashanti, Gold Fields, Harmony le Sibanye-stillwater – le baemedi ba bangongore­gi, e ne ya dumelelwa ke Kgotlatshe­kelo Kgolo e e kwa Johannesbu­rg ka 26 Phukwi 2019 mme ya simolola go tsena mo tirisong ka 10 Sedimontho­le 2019 fa go se na go fitlhelelw­a maemo otlhe a a batlegang.

Dikopo tsotlhe tse di dirilweng kgatlhanon­g le ditlamo tsa meepo tse di amegang mo tumalanong eno le bomphato ba tsone tse di bakilweng ke kgotsa tse di amanang le bolwetse jwa Silicosis le Thiibii, go akaretsa le kgetsi ya tsheko ya go kopa phimolakel­edi e e neng ya bulwa mo pele ga Kgotlatshe­kelo Kgolo, di berekwa tumalanong le melao ya Tumalano ya go Ntshiwa ga Phimolakel­edi. O tshwaneleg­a go kopa phimolakel­edi fa e le gore: 1. o kile wa bo o dira kwa meepong ya gauta magareng ga 12 Mopitlwe 1965 le 10

Sedimontho­le 2019; 2. o kile wa dira mo go o le mongwe kgotsa go feta wa Meepo E e Mo Tumalanong eno (bona lenaane le le fa tlase) ka dinako tsa fa meepo eno e ne e le ya ditlamo tsa meepo tse di ntshang madi ano a phimolakel­edi kgotsa e laolwa ke tsone; 3. o ne o dira tiro e e neng e dira gore o tsenwe ke lerole la silica; e bile 4. o tsenwe ke bolwetse jwa Silicosis kgotsa Thiibii KGOTSA o tlhokomelw­a (ka sekai, o

mosadi, ngwana kgotsa o molekane) ke modiri yono wa kwa meepong yo o tlhokafets­eng.

TSWEETSWEE BALA KITSISO ENO KA KELOTLHOKO GONNE E KA TSWA E AMA DITSHWANEL­O TSA GAGO.

Newspapers in English

Newspapers from Botswana